SETSO, BODUMEDI LE MOLAO WA TEKATEKANO
Melao ya setso le bodumedi ke dintlha tsa dipopego tsa bong mo setšhabeng le mekgwa e e dirisiwang go gatelela le go laola basadi.
Setso ke eng?
Setso se tlhalosiwa e le go fetisiwa ga dintlha dingwe tsa setso go tswa go tshika go ya kwa go e nngwe, bogolo segolo ka tsela ya puo. Mme se tlhalosiwa jaaka :
Mokgwa wa go akanya gongwe maitsholo o o latelwang ke batho ka tsela e e tswelelang pele go tswa go tshka go ya kwa go e nngwe; moetlo gongwe tlwaelo;
Setlhopha sa meetlo gongwe ditlwaelo tseo se tsewa e le thulaganyo e e susumetsang se se diragalang ga jaana: setso sa lelapa se se latelwang ka meaparo le maitsholo.
Ka ntlha ya seno, ditiro tse di farologaneng tsa setso di fetisediwa le go latelwa ke ditshika tse di latelang.
Ditlamorago tsa ditso tse di utlwisang botlhoko mo basetsaneng/basading
Fa ditso tse dintsi di tsweletsa go tshela mmogo le kopano, tse dingwe di gogola boitekanelo jwa mmele le maikutlo jwa batho ba bangwe, bogolo segolo basetsana le basadi. Dintlha di tshwana le go tlhaela phitlhelelo ya thuto, tshedimosetso le ditirelo, di dira gore tse di ka utlwisang botlhoko di etegele;
Ditso tse di utlwisang botlhoko di na le mefuta e e farologaneng fela tshimologo ya tsona e tswa kwa morago fela kwa dikamanong tse di senang tekatekano tsa loago le tsa ikonomi magareng ga banna le basadi. Ditiro tse di jalo di bonwa e le karolo ya botlhokwa ya setso sa loago. Maiteko a go di fetola gongwe go di fedisa gantsi a amogelwa ka pelaelo gongwe ka maikutlo a bobaba ke baagi ba ba di dirisang, bogolo segolo fa maiteko ano a tla ka batho ba e seng karolo ya baagi bano;
Dingwe tsa ditso tse di utlwisang botlhoko di akaretsa tse di latelang: go segiwa ga mapele a basadi; go nyadisiwa ga basetsana ba sa le bannye; go tlhoka ditshwanelo tsa go nna le dithoto, dintsho tse di amanang le bogadi;
Ditso tse dingwe tse di diragadiwang tse di akaretsang basadi, di akaretsa tse di latelang: diteko tsa bogammana; bogadi; go nyala lefufa.
Bodumedi ke eng?
Bodumedi ke setheo sa botho se go tlhamilweng tsamaiso e e boitshepo mo go sona1. Gape bo tlhalositswe jaaka "thulaganyo ya ditumelo gongwe ditiro tse mo go tsona setlhopha sa batho se kgaratlhang mmogo ka mathata a botshelo. Bodumedi bo ka dirisiwa jaaka letshwao la pharologano go letlelela go kgaphela thoko mo loagong le go beelwa thoko, gammogo le go rulaganngwa ditlhopha tsa loago ka tatelano e e rileng.
Dikamano magareng ga bodumedi le bong
Seabe sa basadi mo setšhabeng gantsi se susumediwa ke seabe sa basadi jaaka se rebotswe mo ditumelong tse di rileng ;
Ka bomadimabe, thanolo ya bodumedi e mo diatleng tsa baemedi ba bodumedi ba e leng gore bontsi jwa bona ke banna;
Seabe sa ditheo tsa bodumedi mo setšhabeng sa rona se gateletse megopolo ya batho fela malebana le go tlhalosa seabe sa batho ba bong jo bo farologaneng. Megopolo ya baagi fela e sa ntse e sirilwe ke se ba se utlwang gangwe le gape se buiwa ke bareri le baruti mo ditherong le mo dithapelong, mme baruti le bareri bano gantsi ba nyatsa thata go ikemela gongwe le gongwe fela gongwe go tlhagelela ka magetla ga basadi 2;
Go botlhokwa tota gore go sekasekwe kamano magareng ga bong le bodumedi, mme seno se maleba bogolo segolo fa go lebeletswe ka moo go dirisitsweng dikganetsano tsa sedumedi ka gona go kgaphela basadi kwa thoko. Go kaiwa gore "bodumedi e sa le e le, mme e bile e ntse e le modi o mogolo wa go nyatsiwa le go kgaphelwa thoko ga basadi"3 ka ntlha ya boleng jwa jona le ka moo bo nang le maatla ka gona mo setšhabeng.
Letlhomeso la molao le pholisi
DIDIRISWA TSA BODITŠHABATŠHABA TSE DI TSWELETSANG DITSHWANELO TSA BASADI MALEBANA LE TSHEKAMELO YA BONG
Tumelano ya Phediso ya Mefuta yotlhe ya Tlhaolo Kgatlhanong le Basadi e e itsegeng ka CEDAW
Khonferense ya Ditšhabakopano ya Bone ya Lefatshe ya Basadi kwa Beijing (Letlhomeso la Tiro la Beijing).
DIDIRISWA TSA BODITŠHABATŠHABA TSE DI TSWELETSANG DITSHWANELO TSA BASADI MALEBANA LE TSHEKAMELO YA BONA YA BONG
Tšhata ya Aforika ya Ditshwanelo tsa Botho le Batho;
Porotokolo ya Tšhata ya Aforika ya Ditshwanelo tsa Botho le Batho tsa Basadi ba ba mo Aforika
Kgoeletso ya Dinaga tsa Tlhabololo tsa Borwa jwa Aforika malebana le Bong le Tlhabololo ka ngwaga wa 1997;
Kgoeletso ya Khonferense ya Borataro ya basadi ya Kgaolo ya Aforika ka ngwaga wa 1999.
MELAO YA AFORIKA BORWA LE DIKGETSE TSA TSHEKAMELO YA BONG LE BONG
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Molao wa bo108 wa ngwaga wa 1996 (Molaotheo);
Molao wa Ditshwanelo tsa Mafatshe tsa Morafe wa ngwaga wa 2004
Molao wa Thapo ka Tekatekano wa bo55 wa ngwaga wa 1998.
Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso4 ("Molao wa Setso");
Molao wa Phediso ya Boloi
